PELE O SIMOLOLA ...
Maikaelelo a tlhotlhomiso ke go tlhomamisa maikutlo le dikakanyo tsa maloko a badiri mabapi le boeteledipele, pholisi le togamaano, tsepamiso mo go badirisi le baamegi, taolo ya batho, tirisano, taolo ya metswedi le thulaganyo ya tshedimosetso, ditirego, kutlwalo mo setšhabeng, popego ya tikologo, kgotsofalo ya badirisi le baamegi, boleng jwa tirelo, kgotsofalo ya batho, tiro mabapi le mothelesi le kgwebisano le dipholo tsa mokgatlho.
Dipholo tsa tlhotlhomiso e, di tlile go abelanwa le bolaodi jo bogolo jwa DOD/SANDF. Ka jalo, go botlhokwa gore o arabe potso nngwe le nngwe ka boikanyo. Se, ga se teko gape ga go na dikarabo tse di nepagetseng kgotsa tse di fosagetseng. Kakanyo ya gago ke yona fela karabo e e nepagetseng.
Centre e tlile go tshola tshedimosetso ya gago e le sephiri mabapi le Effect Analysis. O tlile go nna tlhokaina, ka gonne Centre for Effect Analysis e tlile go sekaseka tshedimosetso e e kokoantsweng ka setlhopha fela, sekao mo banneng le mo basading ka go arogana.
Go bonolo go araba potsolotso ka bontsi jwa dipotso di arabiwa ka go dira tshekeletsa mo nomorong e e maleba ya karabo e o akanyang e le e e maleba kgotsa e e tsamaelang le kakanyo ya gago.
Fa o itemogela mathata mabapi le go tlatsa potsolotso tsweetswee o se ke wa okaoka go kopa thuso kwa go mmatlisisi/motlhotlhomisi wa gago yo o thapilweng kgotsa o ka ikopanya le Tirelo ya tharabololo ya mathata ka Mogala ya Centre for Effect Analysis mo nomorong e e latelang 312 4788/8164788.
Re itumelela tirisanommogo ya gago ka go neelana ka tshedimosetso e e kopiwang.
TSHEDIMOSETSO YA BAYOKERAFI
O dira kwa yuniting efe?
Khoutu ya yuniti ya gago ya PERESOLO ke efe?
Tsweetswee araba dipotso tse di latelang ka go dira letshwao le tshekeletsa go dikologa le karabo e o e tlhophileng
Setlhopha sa maemo. (Fa e le gore o modiri wa moagi tsweetswee dira tshekeletsa mo karabong ya bo 10 kgotsa 11)
Moborikadiri wa mogenerala/Motlhankedi-mogolo wa tsa mawatle (JG) le kwa godingwana
Moagi - Mothusimokaedi le kwa godingwana
Moagi - Kwa tlase go gaisiwa ke Mothusimokaedi
O wela ka mo lotsong lo lofe?
Mosweu
Ke ne ke le loloko la pele la ...
SANDF fela (ke ne ka tsenela sesole lwa ntlha morago ga 1994)
Bong jwa gago ke bofe?
Monna
Mosadi
O na le dingwaga di le kae?
Dingwaga di le 24 kgotsa kwa tlase
Dingwaga di le 25 go ya go di le 34
Dingwaga di le 35 go ya go di le 44
Dingwaga di le 45 kgotsa go feta
BOETELEDIPELE
Maitsholo le ditiro tsa bolaodi jo bogolo le tsa baeteledipele ba bangwe botlhe di tlhotlheletsa, di ema nokeng le go rotloetsa mokgwa wa tiro e e maatlametlo jang
Tsweetswee araba dipotso tse di latelang tse di mabapi le boeteledipele
Ee, tota
Ee, fa gongwe
Nnyaa, le go ka
Ga ke itse
A baeteledipele /balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba kgona go dira tiro ya bona ka bonako le ka bokgoni?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba reetsa mathata a batho ba ba leng ka fa tlase ga bona?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago go bonolo gore ba ka boniwa?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba tlhalosetsa batho ba ba leng ka fa tlase ga bona sentle se se tshwanetseng go diriwa?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba netefatsa gore batho ba ba leng ka fa tlase ga bona ba itse le go tlhaloganya se se solofetsweng go tswa mo go bona?
A baeteledipele/balaodi kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago ba netefatsa gore batho ba ba leng ka fa tlase ga bona ba katisiwa mo go lekaneng gore ba tle ba kgone go dira tiro ya bona?
A mookamedi wa gago o a tle a bue le wena ka botlalo mabapi le ditšhono tsa gago tsa boiphediso?
A mookamedi wa gago o a tle a go bontshe ka mo o ka dirang tiro ya gago sentle?
A o a tle o bone katiso ya mo tirong (katiso-tirong) gore o tle o kgone go dira tiro ka maatlametlo?
A tiro e ntle e a lemogiwa kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago?
A o na le tšhono e e siameng ya go ka tlhatlosiwa fa o dira tiro ya gago sentle?
A o na le tšhono e e siameng ya go ka amogela madi a tebogo fa o dira tiro ya gago sentle?
A o a itse gore tiro ya gago ke eng? (k.g.r ditiro tse o tshwanetseng go di dira)
O dumelana kgotsa o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Baeteledipele/balaodi ba mo yuniting e/ba mo setheong se/ba mo sekepeng se ba tlhokomela baagi ba ba mabapi
Mekgwa le ditiro tsa baeteledipele/tsa balaodi ba mo yuniting e/ ba mo setheong se/ba mo sekepeng se, di bontsha ba rata Aforika-Borwa
Mekgwa le ditiro tsa mookamedi wa me di dira gore ke dumele gore boleng jwa tirelo e e malebana le badirisi ba rona e botlhokwa
PHOLISI LE TOGAMAANO
Ka mo mokgatlho o tlhamang, o dirisang, o thadisang le go fetola pholisi le togamaano go nna maano le ditiro
O dumelana kgotsa o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Dipholisi di theilwe mo tshedimosetsong e e maleba ka fa gare le ka fa ntle ga DOD
Bolaodi jo bogolo jwa yuniti ya me/jwa setheo sa me/jwa sekepe sa me bo netefatsa gore ba tlhaloganya ditlhokwa le ditlhokego tsotlhe tsa baamegi pele ba tsaya ditshwetso ka ga dipholisi le ditogamaano
Ditshwetso tsa yuniti ya me/tsa setheo sa me/tsa sekepe sa me ka ga dipholisi le ditogamaano di tsewa ka dinako tse tshedimosetso e e nepagetseng e leng teng
Mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me mongwe le mongwe o nna le seabe mo go tlhabololeng dipholisi le ditogamaano
Nako le nako ke itsisewe ka ga diphetogo tse dintšhwa tse di ka ga dipholisi/pholisi le ditogamaano
Mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me motlhankedi wa ditaelo le taolo o tlhalosa ditlamorago tse di solofetsweng mo pholising/maanong le go kaya ditiro le makgaolakgang a a tlhokegang mo tsenyotirisong
Mookamedi wa me o netefatsa gore ditiro tsa letsatsi le letsatsi di tsamaelana le/di dumelana le pholisi/maano le ditogamaano
Yuniti ya me/setheo sa me/sekepe sa me se bonya thata mo go lolamiseng dintlha tsa sona tse di leng botlhokwa mo maemo a mantšhwa kgotsa a a fetogang
TSEPAMISO MO BADIRISING LE MO BAAMEGING
Ka mo mokgatlho o tlhomamisang ditlhokwa, ditlhokego le ditsholofelo;
go tokafatsa dikamano gape go tlhomamisa gore badirisi le baamegi ba nna ba itumetse
O dumelana kgotsa o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me ka gale re leka go kaya badirisi ba rona ka bongwe ka bongwe ka maina
Mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me"go tlhaloganya modirisi" go kaya go ela tlhoko ditlhokwa le ditlhokego tsa gagwe tse di rileng ka tlhomamo/ka dinako tsotlhe
Ka gale mookamedi wa me o kopa ditshwaelo go tswa kwa badirising mabapi le dikumo/ditirelo tsa rona e bile o tsibogela diphitlhelelo ka bonako le ka botshepegi
Ke itse badirisi ba setlhopha sa tiro sa me
TAOLO YA BATHO
Ka mo mokgatlho o ntshang bokgoni jotlhe jwa batho ba ona
O dumelana kgotsa o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Baeteledipele/balaodi mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me ba rotloetsa mokgwa wa go tswelela pele go ithuta mo bathong ba ba leng ka fa tlase ga taolo ya bona
Yuniti ya me/setheo sa me/sekepe sa me sena le lenane la kamogelo go thusa maloko a mantšhwa/badiri go tlhaloganya ditiro tsa bona le mokgwa wa yuniti/wa setheo/wa sekepe sa rona
Katiso-tirong ya me e e tsweletseng e ntira gore ke dire ka bokgoni le ka nonofo
Mookamedi wa me o itse bokgoni le makoa a batho botlhe ba ba leng ka fa tlase ga taolo ya gagwe e bile o ba neela tiro gore ba tle ba bone ditšhono tsa go tlhabolola bokgoni jwa bona
E a tswelediwa
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Baeteledipele/balaodi mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me ba rotloetsa le go putsa tirisano
Maikaelelo-magolo a yuniti ya me/a setheo sa me/a sekepe sa me a amogelwa ke maloko otlhe le badiri e bile a iponagatsa mo ditirong tsotlhe tsa bona tsa letsatsi le letsatsi
Go mo pepeneneng mo go nna ka mo tiro ya mongwe le mongwe le ya setlhopha/dikatlego di lekanyediwang ka teng
Baeteledipele mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me ba netefatsa gore maloko otlhe/badiri ba nna le seabe mo thulaganyong ya tiro
Ditsela tse nka tlhagisang dikatlenegiso/ dingongorego ka tsona kwa go motlhankedi yo o neelang ditaelo/kwa go molaodi di nonofile
Tshedimosetso e ke e amogelang mabapi le dikatlenegiso tsa me e a itumedisa
Ka nnete go tlhagisa maikutlo a me go ka ntlholela mathata mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me
Pharologano ya ditso mo DOD/SANDF e a nkgoreletsa mo tirong ya me
Ke itse maikarabelo a molao a a mabapi le boitekanelo le polokego ya mo tirong
Tlhokomelo ya tikologo (sekao tlhokomelo ya dimela, bophepa jwa mabala le dikago, tiriso-sešwa ya matlakala) e bonagala sentle mo ditirong tsa rona
Yuniti ya me/setheo sa me/sekepe sa me se tlhokomela nonofo ya maloko/badiri ba sona
Tshedimosetso e ke e amogetseng mabapi le dingongorego tsa me e ne e itumedisa
GO DIRA KA SETLHOPHA
Ee, tota
Ee, fa gongwe
Nnyaa, ka nnete
Nnyaa, le go ka
Ga ke itse a
Tirisano e a rotloediwa mo yuniting ya me/mo sekepeng sa me/mo setheong sa me b
A maloko/badiri mo setlhopheng sa gago sa tiro ba ...
Ee, tota
Ee, fa gongwe
Nnyaa, ka nnete
Nnyaa, le go ka
Ga ke itse n/a (ga ke dire mo ditlhopheng)
Amogela maikaelelo a setlhopha?
ii dumela go dirisana le maloko a setlhopha?
iii ba teng go thusa fa go tlhokagala?
METSWEDI LE TAOLO YA DISESETEME TSA TSHEDIMOSETSO
Ka mo mokgatlho o laolang le go dirisa metswedi ka teng (nako,dibebofatsi ,tekanyetso-kabo, ditlamelo, didirisiwa jj)
Kaya gore o dumelana/ o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me maloko/badiri ba dirisa nako ya bona sentle
Mo yuniting ya me/setheong sa me/mo sekepeng sa me maloko/badiri ba kelotlhoko ka ga kutlwalo ya ditiro tsa bona mo nakong ya ba bangwe
Maloko/badiri ba mo yuniting ya me/ba mo setheong sa me/ba mo sekepeng sa me ba bona tshedimosetso yotlhe e ba e tlhokang go dira tiro ya bona sentle
Motlhankedi wa ditaelo le taolo wa mo yuniting ya me/wa mo setheong sa me/wa mo sekepeng sa me o re baya mo dinakong ka ga diphetogo le ditlhabololo tse di diragalang ka mo DOD tse di ka amang karolo ya bona ya tiro
Baeteledipele ba mo yuniting ya me/ba mo setheong sa me/ba mo sekepeng sa me ba sekaseka metswedi yotlhe e e ka dirisiwang ka fa gare la kwa ntle,go tokafatsa boleng jwa ditirelo/dikumo tsa rona
Ke itse maikarabelo a molao le dipholisi tsa DOD tse di mabapi le tshireletso ya khupamarama le tshireletso ya khomphutara
Motlhankedi wa me / molaodi o re rotloetsa gore re tile go dirisa madi botlhaswa le ditshenyegelo tse di seng mo molaong
DITIREGO
Mokgwa/tsela ya go dira dilo le kgato e e tshwanetseng go latelwa
Ka mo mokgatlho o tlhaolang,o laolang ,o thadisang le go tokafatsa ditirego tsa ona
Kaya gore o dumelana/o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Yuniti ya me/setheo sa me/sekepe sa me se tsepamisa mo go tlhabololeng ditirego tse di maleba (ka mo re yang go dira tiro ka teng) go fitlhelela ditlhokego tsa badirisi
Tiro e e fetanang le tiro e e tshwanang ga e tlhagelele mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me
Mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me batho ba ba seng mo ditlhopheng tsa tiro le ditlhopha tsa tiro ba amogela maikarabelo otlhe a tiro ya bona
Re rotloediwa go leka dikakanyo tse dintšhwa/dithekenoloji tse dintšhwa go tokafatsa boleng jwa tiro ya rona
Motlhankedi wa ditaelo/wa taolo wa mo yuniting ya me/ wa mo setheong sa me/wa mo sekepeng sa me o netefatsa gore batho ba ba leng ka fa tlase ga gagwe ba katisiwa sentle pele ditirego tsa tiro tse dintšhwa kgotsa tse di fetotsweng di tsenngwa mo tirisong (di dirisiwa mo tirong)
Mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me ditiro tshegetso/ditirego di a tlhabololwa go netefatsa gore ditirelo/dikumo tsa rona di tlile go fitlhelela ditlhokego tsa badirisi
Motlhankedi wa ditaelo/wa taolo mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekeng sa me o netefatsa gore leloko lengwe le lengwe le tlhaloganya ka mo tiro ya lona e amegang mo tiregong yotlhe
KUTLWALO MO SETŠHABENG
Se mokgatlho o se fitlhelelang mabapi le go kgotsofatsa ditlhokwa le ditsholofelo tsa baagi ba fa gae, ba bosetšhaba le ba boditšhabatšhaba ka bophara (ka go le maleba)
Kaya gore o dumelana/o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
G ke dumele gotlhelele
Batho ba ba leng kwa ntle ga DOD ba itse gore yuniti ya rona/setheo sa rona/sekepe sa rona se ineetse mo tshwarong e e lekalekanang ya badiri botlhe le mo mokgweng wa tekatekano-maemong
Go fokodiwa ga palo ya badiri go na le mowa o o sa itumediseng mo ikonoming ya fa gae le ya bosetšhaba
Batho ba ba leng kwa ntle ga DOD ba na le maikutlo a gore yuniti ya rona/setheo sa rona/sekepe sa rona se tshwanetse go dira ka thata go thusa go rarabolola mathata a molao le tolamo a a itemogelwang mo baaging ba rona
Yuniti ya me/setheo sa me/sekepe sa me se thapile maloko a baagi ba fa gae
Maloko mangwe/badiri bangwe ba mo yuniting ya me/ba mo setheong sa me/ba mo sekepeng sa me ba amega mo katisong/ mo tsamaisong/ mo taolong ya metshameko mo baaging ba rona ba fa gae
Maloko mangwe/badiri bangwe ba mo yuniting ya me/ba mo setheong sa me/ba mo sekepeng sa me ba na le seabe mo metshamekong ka go nna maloko a mokgatlho wa baagi
Yuniti ya me/setheo sa me/sekepe sa me se rotloetsa maloko/badiri go tlhabolola le go tshegetsa mokgwa wa go tshela o o siameng
TIKOLOGO
Dibebofatsi tse di latelang mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me di babalelwa sentle:
Ee, fa gongwe
Nnyaa, ka nnete
Nnyaa, le go ka
Ga ke itse
Lefelo la me la tiro
Mafelo a bojelo/mafelo a mekgatlho
Dibebofatsi tsa boitapoloso le tsa metshameko
Mabala/ditshingwana
Bonno jwa sesole
KGOTSOFALO YA BADIRISI LE BAAMEGI
Se mokgatlho o se fitlhelelang mabapi le kgotsofalo ya badirisi ba ona ba kwa ntle
A o a tle ka gale o tlhomamise kgotsofalo ya badirisi ka mekgwa e e latelang?
Ee, tota
Ee, fa gongwe
Nnyaa, ka nnete
Nnyaa, le go ka
Ga ke itse
Dipotsotherisano ka sebele
Dipotsotherisano ka mogala
Dipuisano tsa setlhopha/dipuisano tsa setlhopha tsa tsepamo
Potsolotso ya ditlhotlhomiso
Mekgwa e mengwe
O akanya gore badirisi ba itumeletse dikumo/ditirelo tsa yuniti ya gago/tsa setheo sa gago/tsa sekepe sa gago jang?
Ba itumetse gotlhelele
Ba itumetse
Ga ba itumela
Ga ba itumela gotlhelele
Ga ke na kakanyo
A yuniti ya gago/setheo sa gago/sekepe sa gago se kile sa amogela dikabelo dingwaga di le 12 tse di fetileng tse di neng di le mabapi le boleng jwa ditirelo/dikumo tsa gago?
Ee
Nnyaa
Ga ke itse
MAIKUTLO MABAPI LE BOLENG JWA DITIRELO
Dipolelo tse di latelang di amana le maikutlo a gago mabapi le yuniti ya gago/setheo sa gago/sekepe sa gago. Tsweetswee mo polelong nngwe le nngwe,kaya ka mo o akanyang gore yuniti/setheo/sekepe sa gago senang le sebopego/boleng jo bo tlhalosiwang ke polelo nngwe le nngwe ka teng
Ke dumela thata
Ke dumela ka mabaka a a rileng
Ke dumela gannye
Ga ke dumele gotlhelele
Ga ke na kakanyo
Yuniti ya me/setheo sa me/sekepe sa me sena le ditlamelo tsa sešweng
Lebala, ditshingwana le dikago tsa yuniti ya me/tsa setheo sa me/tsa sekepe sa me di na le tebego e e ntle
Maloko/badiri ba mo yuniting ya me/ba mo setheong sa me/ba mo sekepeng sa me ba na le tebego e e ntle
Yuniti ya me/setheo sa me/sekepe sa me se dira dilo sentle ka gangwe fela
Yuniti ya me/setheo sa me/sekepe sa me se rebola ditirelo/dikumo tsa sona ka nako e e tshepisang go di dira jalo (se fitlhelela makgaolakgang)
Maloko/badiri ba mo yuniting ya me/ba mo setheo sa me/ba mo sekepeng sa me ka gale ba rata go thusa badirisi
Maloko/badiri ba mo yuniting ya me/ba mo setheong sa me/ba mo sekepeng sa me ka gale ba tsibogela dikopo tsa badirisi
Maloko/badiri ba mo yuniting ya me/ba mo setheong sa me/ba mo sekepeng sa me ba tlhaloganya ditlhokwa tse di rileng tsa badirisi
KGOTSOFALO YA BATHO
Se mokgatlho o se fitlhelelang mabapi le kgotsofalo ya batho ba yona
Kaya gore o dumelana/o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Ke itisewe ka ga sengwe le sengwe se se nkamang kgotsa ka ga sengwe le sengwe se se ka nkamang
Ke itsisewe ka nako ka ga dikhoso tsa katiso le tlhabololo tse ke tshwanetseng go di tsenela mo dingwageng tse di mmalwa tse di latelang
Motlhankedi wa ditaelo/wa taolo o netefatsa gore maloko le badiri botlhe ba amogela katiso e ba e tlhokang go tswelela pele mo boiphedisong jwa bona
Ke kgotsofetse mabapi le ditšhono tsa tlhatloso ka mo DOD
Ke kgotsofetse mabapi le tolamo ya tshekatsheko e e fetileng ya me
Ke itumelela tiro e ke e dirang
Ke amogetse melawana ya maitsholo
Ke amogetse tshegetso e e lekaneng kwa badiring ba ba nang le ditiro tsa semmuso/kwa batlhankeding
Dintlha tse di mabapi le go ikgatholosa tiro kwa ntle le khunologo di fokotsegile go simolola ngwaga o o fetileng
Dipalelo tse di mabapi le tuelo ya me di diriwa sentle
Ditshiamiso tsa dituelo di diriwa ka nako
Dingongorego tsa me tse di mabapi le tsamaiso e e nkamang di sekasekiwa sentle
O itumetse kgotsa ga o a itumela mabapi le tse di latelang jang:
Ke itumetse gotlhelele
Ke itumetse
Ga ke a itumela
Ga ke a itumela gotlhelele
Ga ke na kakanyo
Ditirelo ta kalafo tsa DOD
Ditirelo tse di rebolwang ke batlhankedi ba tireloloago ba sesole kwa yuniting ya gago/kwa setheong sa gago/kwa sekepeng sa gago
Tirelo e e rebolwang ke moruti wa gago
Tsenyotirisong ya tirelo ya molao ke batlhankedi ba DOD/SANDF
Tshireletso ya tiro
Dithuso tsa diphenšene
Dithuso tsa matlo
Dipalangwa tsa sesole
Dijo tse di rebolwang ke lefelo la gago la bojelo/ ke mokgatlho wa gago
Boleng jwa junifomo e o e neelwang
MOTHELESI LE TIRO YA TIRISANO
Se mokgatlho o se fitlhelelang mabapi le taolo ya ditirego ya mothelesi le tirisano
Kaya gore o dumelana/o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Botsalano jo bo bonagalang jwa botshepegi bo teng magareng ga yuniti ya me/ga setheo sa me/ga sekepe sa me le bathelesi ba sona
Boleng jwa ntshetsontle (dikumo le ditirelo) jwa bathelesi bo fitlhelela ditsholofelo tsa yuniti ya me/tsa setheo sa me/tsa sekepe sa me
Bathelesi ba rona ba itse se re se tlhokang sentle
Fa yuniti ya rona/setheo sa rona/sekepe sa rona sena le bothata, bathelesi ba rona ba supa kgatlhego mo go bo rarabololeng
Fa bathelesi ba rona ba tshepisa go dira sengwe ka nako e e rileng ,ba tlile go dira jalo
DIPHOLO TSA MOKGATLHO
Se mokgatlho o se fitlheletseng mabapi le maikaelelo a ona a kgwebo e e rulagantsweng le mo go kgotsofatseng ditlhokwa le ditsholofelo tsa mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego mabapi le tsa ditšhelete kgotsa peeletso nngwe mo mokgatlhong
Kaya gore o dumelana/kgotsa o ganana le dipolelo tse di latelang jang:
Ke dumela gotlhelele
Ke a dumela
Ga ke na kakanyo
Ga ke dumele
Ga ke dumele gotlhelele
Ke itse seseteme ya fa gare e e leng teng mo yuniting ya me/mo setheong sa me/mo sekepeng sa me e e tlhokomelang dithulaganyo(go akaretsa le tekanyetsokabo), tekanyo ya dipholo mmogo le tsenyotirisong ya dikgato tse di siamisang
Boleng jwa ntshetsontle (dikumo le ditirelo) jwa setlhopha sa rona sa tiro bo tokafetse go simolola ngwaga o o fetileng
Re itlhomile kwa pele mo go sengwe le sengwe se re se dirang
Setlhopha sa rona sa tiro ka gale se fitlhelela maikaelelo a sona
RE LEBOGELA NAKO LE SEABE SA GAGO
KE KHUPAMARAMA FA E TLADIWA
KE KHUPAMARAMA FA E TLADIWA
